Download presentation
Presentation is loading. Please wait.
Published byGeorge Quinn Modified over 8 years ago
1
Refiloe le dikoko tsa gagwe Marion Drew Setswana translation: Lorato Trok
2
E ne e le lenyalo la ntlha go diragala mo lelapeng la ga Tenane. Refiloe ga a ise a tsamae a itumele jaana! ‘Ke ya go nna morweetsana wa ga Palesa. Ke tla be ke apere mosese le ditlhako tse dintswha!’ A rialo go dikoko tsa gagwe. Refiloe to ne a bua le dikoko tsa gagwe ka metlha. Dikoko tse o ne a di fiwa ke rragwe ka letsatsi la gagwe la matsalo, mme Refiloe o ne a di rata thata. 2
3
‘Refiloe, tlosa dikoko tsa gago tse di leswe fa!, ga ke batle go di bona gaufi le tente ya lenyalo’, ga goeletsa mmagwe. 3
4
‘Tlogang fa lona, ga ke batle lo jewa ko lenyalong la ga Palesa!, ga bua Refiloe a koba dikoko tsa gagwe mo tenteng. 4
5
‘Mme a re lenyalo le e tlile go nna le legolo mo motseng o’, ga rialo Refiloe go dikoko tsa gagwe.‘A re nka thusa basetsana ba bagolo ka go apaya.’ Dikoko di ne di sena nako le se Refiloe a se buang. ‘Refiloe, tlogela dikoko tseo tsa gago o fete o tle go nthusa ka dipitsa tse tswee-tswee!’, mmaagwe Refiloe a goeletsa go tswa ka mo ntlong. 5
6
Mmaagwe Refiloe o ne a ipela ka ntlo ya gagwe, ebile a batla gore ka lenyalo e be e kgatlhisa le go feta. O ne a e phepafatsa mo gotlhe, a sa tlogele sepe kwa morago. E ne e benya ka bophepa! Dikoko di ile tsa tsenya ditlhogo tsa tsone mo ntlong. ‘Tswayang fa dilo ke lona ka maoto le melomo ya lona e e leswe!’ mmaagwe Refiloe a goeletsa dikoko ka kgalemo. 6
7
Refiloe o ile a sala dikoko tsa gagwe morago. ‘Mme o bua nnete, lo tlhabisa ditlhong, Refiloe a di kgalema. Refiloe o ile a nagana a le esi fa a ntse a dutse. Ka gangwe a nyeba mme a bua a le esi a re, ‘ke na le kakanyo e ntle thata.’ O ile a ema mme a ya kwa motsweding go ya go tlatsa emere ka metsi. Dikoko di ne tsa tshaba fa Refiloe a leka go di tshwara.Di ne di sa batle go tlhapisiwa. 7
8
Refiloe o ile a tsenya koko ya ntlha mo metsing. E ile ya goeletsa ka lentswe le le kwa godimo mme ya phophota diphuka tsa yone ka modumo o mogolo. ‘Iketle koko ke wena, se ga sena go tsaya nako e telele!’, Refiloe a goelela koko. Fa Refiloe a phimola nko le matlho a koko, e ile ya nyeregana fa thoko ga emere. 8
9
‘Se ga se nako ya go robala’, Refiloe a rialo. O ile a thukutha koko go ntsha metsi otlhe mo go yone. Fa o sa tsoge jaanong, ke tlile go go baya fale gore o ome,’ a rialo. Refiloe o ile a e baya mo tlhageng gore e ome. Koko e ne e sa tshikinyege le go tshikinyega. 9
10
Refiloe o ile a tlhapisa dikoko tsa gagwe tse tsotlhe. Tse tshotlhe di ile tsa nyeregana pele ga a ka fetsa go di tlhapisa. 10 O ile a di baya tsotlhe di le robedi ka tatelano mo tlhageng gore di ome. Tse tshotlhe di ne di sa tshikinyege. ‘Ke tla di tlogela di robala go le gonnye,’ Refiloe a nagana, mme a tswa a ya go tlhola morogo kwa molelong.
11
Mme Ngwe le Mme Pedi e ne e le bomangwane ba ga Refiloe. Ba ne ba sa ratane. Ba feditse dikgwedi ba baakanyetsa lenyalo la ga Palesa. Lemena la bona le ne la dira gore ba se palame tekisi e le nngwe go ya lenyalong. 11
12
Mme Ngwe o ne a bona dikoko tsa ga Refiloe di rapaletse mo tlhageng. O ne a itumela mme a re, ‘a dijo tse di monate! Ke tla ya gae le tsona.’ O ne a tsaya tšale ya gagwe mme a phutela dikoko ka yona. Dikoko di ne di ntse di sa tshikinyege. ‘Wa bona ge!’ a nyeba, ‘jaanong ke tla di fitlha kwa Mme Pedi a ka se di boneng,’ mme a baya sephutelwana sa tšale ya gagwe mo sekhulthwaneng sa tshingwana ya maphutshe. 12
13
Mme Pedi o ne a tumile ka go apaya lephutse le le monate le le ratwang ke botlhe. O ne a akanya go le apaya mme a tsaya sejana sa gagwe se segolo a ya kwa tshimong ya merogo. Fa a le kwa tshimong a bona sephuthelwana mo thoko le maphutshe. O ne a se phutholola. Photse!, ga wa dikoko tse robedi. ‘Ijoo we!’ a goa mme a tshabela kwa morago ke letshogo. ‘A, ga ise ke tsamae ke bone dikoko tse diphepa tse dintle jaana! Pitsa ya me e lo emetse,’ a bua a itumetse. 13 ‘Jaanong nka lo fitlha kae baratiwa?,’ Mme Pedi a tshega tshega, ‘ke tla tshwanela ke go batla lefelo le le bofitlha,’ a bua a potologa ntlo go lebelela kwa a ka di fitlhang. ‘Aha, ke tla lo fitlha mo godimo ga ntlo,’ a rialo. Mme Pedi o ne a palama lebotana la tshimo mme a fitlha dikoko mo godimo ga ntlo.
14
Ka letsatsi le le latelang la lenyalo, letsatsi la tlhaba sentle. Refiloe o ne a tsoga pele mme a ya go lebelela dikoko tsa gagwe. O ne a se di bone mo tlhageng mo a neng a di tlogetse gona. ‘Di tshwanetse di be di omile jaanong. Ke nagana gore di ile go batla dijo,’ a rialo. 14
15
Lenyalo la ga Palesa le ne le itumedisa. Dikoko ga di a ka tsa tloga kwa godimo ga ntlo go tshwenya fa barweetsana ba ne ba opela mo jarateng. 15 Ga go na le koko e le nngwe e ileng ya tshikinyega fa kwaere ya kereke e opela ka melotsana e e monate. Di ne di ntse di robetse mo godimo ga ntlo fa moruti a rera. Le fa Refiloe, dikolobe le rraagwe ba ntse ba gona fa moruti a rera, di ne di sa tshikinyege. Fa dinku di ne di tsene mo tenteng ebile di batla di digile kuku ya lenyalo, le leotwana le le lengwe la dikoko tse le ne le sa tshikinyege.
16
E ne e le fela fa rraagwe monyadi a ne a tsweletse go bua fa mathata a ne a tshimolola mo godimo ga ntlo. 16
17
Koko ya ntlha e ne ya tsharolola diphuka mme ya fofela mo sefubeng sa ga Mme Ngwe. Mme Pedi o ne a dutse fa thoko ga gagwe mme a tshimolola go tshega- tshega. Koko e nngwe ya fofela mo godimo ga tuku e ntšhwa ya ga Mme Ngwe. Batho ba ba neng ba dutse go lebagana le bona ba leka go itshwara gore ba se tshege. The lady next to Mme Ngwe put her head down onto the table, ‘ai, aai, aaaaii, he, he, heeeeeeee!’ a thubega ka setshego. Jaanong dikoko tse tshotlhe di ile tsa wela mo godimo ga Mme Ngwe! O ne a sa bonale le go bonala! 17
18
Batlalenyalong ba ne ba sule ka ditshego. Banna ba ne ba itshwere dimpa tsa bona ba palelwa ke go itshoka. Basadi ba ne ba tshega gore ba pitike mo ditulong. Basimane le basetsana ba ne ba itshwareletse mmogo, ba sa kgone go itshoka. Bo nkoko ba ne sa ga kgone go hema ka ntlha ya ditshego. Bo rremogolo ba ne ba itaya dithobane tsa bona mo fatshe ba bolailwe ke ditshego. Bommangwane ba ga Refiloe ba ile ba lebelelana mme ba tshimolola go tshega. Mme Pedi o ne a sule ka ditshego. Mme Ngwe o ne a tshega gore diledu tsa gagwe di tshikinyege!Refiloe o ne a sa dumele! 18
19
Batlalenyalong bone ba ne ba dumelana gore e ne e le lenyalo le le monate go gaisa mo Malealela. ‘A lo lesego!’ Refiloe a rialo go dikoko tsa gagwe fa a ntse a di tswalela kwa di robalang, ‘Mme a re ga a kitla a tsamaya a lo apaya. ‘Bonang fela gore lo leswe jang, a rialo go tsona, ke tla tshwanela ke go lo tlhapisa gape ka moso!’ 19
20
This work is licensed under a Creative Commons Attribution-NonCommercial 3.0 Unported License. Disclaimer: Ullat auditis as eatium quatis id quia dem eate eiciendel. Cus, omniscit fugitat. Puda sum faccatus, et aliquae es reperit, sa Nullupis maionec eperum es perchitint rerut. Writer: Illustrations: Design & Layout: Refiloe le dikoko tsa gagwe Marion Drew Wiehan de Jager Longer paragraphs
Similar presentations
© 2025 SlidePlayer.com. Inc.
All rights reserved.